Revelation of John 20

Go golegwa ga ga Satane

1Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse dilotlole tsa molete o o senang bolekanngo le keetane e e bokete mo letsogong la gagwe. 2Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete. 3Mme a mo latlhela mo moleteng o o senang bolekanngo, o jaanong a neng a o tswala a bo a o lotlela, gore e se ka ya tlhola e tsietsa dichaba gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela. Morago ga moo e tlaa gololwa gape ka lobakanyana.

4Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.

5E ke tsogo ya ntlha ya baswi. (Mme ba ba setseng botlhe ba se ka ba rula go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela). 6Go sego ebile go boitshepo ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha. Gonne mo go bone loso lwa bobedi ga lo na thata, gonne ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete…

Go gololwa le go nyelediwa ga ga Satane

7E tlaa re fa dingwaga tse di sekete di fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong.

8O tlaa tswa a ya go tsietsa dichaba tsa lefatshe a bo a di phutha, ga mmogo le Gogo le Magogo, go ya ntweng, ebong lesomo le legolo, le le senang palo jaaka motlhaba o o mo lotshitshing. 9Ba tlaa tlhatloga ba kgabaganya kwa godimo ga bophara jwa lefatshe go dikaganyetsa batho ba Modimo le motse o o rategang wa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe. Mme molelo wa Modimo o o tswang legodimong o tlaa fologela mo mephatong ya batlhasedi o bo o e laila.

10Mme Diabolo yo o ba tsieditseng o tlaa latlhelwa mo lecheng la molelo o o tukang ka sebabole mo sebatana le moporofiti wa tsietso ba leng teng, mme ba tlaa tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng.

Tshekiso ya ba ba suleng

11Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng. 12Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng. 13Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. 14Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. 15Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo.
Copyright information for TsnLEF